Jump to content

Wq/tn/Mia Farrow

From Wikimedia Incubator
< Wq | tn
Wq > tn > Mia Farrow
Farrow o tserwe setshwantsho ka 2012.

María de Lourdes "Mia" Villiers Farrow yo o tshotsweng ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi ale borobabongwe ka ngwaga wa , 1945 ke modiragatsi wa Moamerika, molweladitshwanelo, le model wa fashion wa nako e e fetileng.

Dikinolo

[edit | edit source]
  • O ithuta ka go ya kwa o tshwanetseng go ya teng.
  • Ke a e tlhaloganya jaanong. Ga ke a e tlhaloganya ka nako eo. Botshelo joo ke jwa go latlhegelwa le go bo dira ka bontle jo bo kgonegang...le go itumelela sengwe le sengwe se se fa gare.
  • Go nna le lelapa le legolo jalo go ka nna thata. Ga nkitla ke ganetsa seo. Mme ke bana ba bagolo fela ka jalo o samagana fela le sengwe le sengwe. Go na le dilo di le mmalwa fela mo botshelong jwa me tse ke di ikotlhaelang. Fa nka fetola sengwe, gongwe nka eletsa e kete nkabo ke ithutile le go dira dilo dingwe pelenyana. Nkabo ke ratile go tswelela kwa sekolong nako e telele. Nkabo ke kgatlhegela go nna mo Afrika mme gongwe ke thapiseditswe go nna ngaka ya bana.
  • Dikakanyo ka botshelo jwa gagwe, tse di nopotsweng mo go The Independent, 2006
  • Fa o godisitswe o le Mokatoliki mme o nnile le thuto ya dingwaga di le lesome le boraro ya kwa ntlong ya baitlami le baitlami, ga go na ka fa o ka tsamayang o tswa ka fa tlase ga seo. Ke amogetse ntlha eo ka nna ka jalo go na le dilo dingwe—jaaka moitshepi wa me yo o latlhegileng—tse ka dinako tse dingwe di sa latlhegeng jalo.
  • Ka kgodiso ya gagwe ya bodumedi, e nopotswe mo go The Independent, 2006
  • Mo polaneteng eno go na le batho ba ba bogang ka tsela e e sa tlhalosiweng. Ke batho ba ba senang molato, ga ba a tlisa seno mo go bone. Ke batswasetlhabelo ba dibe tsa batho ba bangwe. Mme le fa go le thata go bona, go botlhokwa go tlhaloganya gore batho bano ba teng. Ke bua le wena jaanong ka gonne ga ba kgone mme ke solofela go nna lentswe la bone. Ba tlhoka kemonokeng.
  • Ebu, ga ke a ka ka latlhegelwa ke tumelo ya me mo Modimong le mo go ineeleng ga me mo go se ke akanyang gore bodumedi jwa me bo se kaya mo go nna mme ke ne ka latlhegelwa ke tumelo mo Roma. Ke ne ka tshoga gore Mopapa ka nako ya polao ya batho ba le bantsi kwa Rwanda— eno ke lefatshe la Catholic, Rwanda—ga a ka a leka go ya koo le go emisa polao eo. Mme ke raya gore ke mang mo gare ga rona yo o neng a ka se leke? Mme go na le moo bontsi jwa badirabosula ba ne ba sireleditswe tota. Ka jalo ke ne ka kgaogana le tumelo ya me ka nako eo. Mme fa ke ne ke ya Darfur dingwaga di le masome tse fa morago, ka nako eo ke ne ke lathilele botshepehi bofe kapa bofe go Roma mme ka bona -- o a tseba, gaeba feela re ne re na le Pope jwalo ka Mobishopo Mogolo Desmond Tutu, ka mohlala, ya neng a beeleditswe ka . dikgang tse di neng di ama batho ba ba tlhokang thata.

Se se Welang (1997)

[edit | edit source]
  • Bogale le kutlobotlhoko ke ditsala tse di setlhogo, mme go itlhoboga ke gone go fedisang.
  • Ke ithutile gore ga o ka ke wa nna mong wa sepe ka boammaaruri, gore go nna mong wa sepe ka boammaaruri go tla fela ka nako ya go aba.

Bona gape

[edit | edit source]